Tlhomamiso ya boipuso jwa setshaba sa catalan le ditshwanelo tsa go itseela ditshwetso

  • Traducció en setswana

La premsa lliure no la paga el govern, la paguen els lectors


Fes-te de VilaWeb, fem-nos lliures

Ditso tsa batho ba letso la Catalonia di supa fa morafe o ikaile fa o na le kgatlhego ya go ipusa ka maikaelelo a go godisa itsholelo le matshelo a bone ga mmogo le go fa mongwe le mongwe di tshono tse di maleba mme ba ntse ba setse ngwao ya bone morago.

Boipuso jwa Catalonia bo thaetswe mo tlholegang ya ditshwanelo tsa batho ba letso la Catalan, tse di neng di thaelwa mo dikagong tsa bone tsa goo lowe ebile go dirisiwa melao ya dinako tseo. Medi ya palamente ya ba Catalan e tswa ko dingwageng tsa gare mo bokopanong jwa kagiso le itshwarelano.

E rile ka dingwaga tsa sekete le makgoto a le mane (14th Century) go ne ga thamiwa lephata la “Diputació General” le le neng le tlwaelesegile ka leina la “Generalitat” le le neng la gola ka seriti go fitlhela dingwaga tsa sekete makgolo a le marataro go yeng ko go a le Supa (16-17th Centuries) fa le ne le tla fetoga go bidiwa goromente wa kgaolo Principality ya Catalonia. Philip wa botlhano one a kganela ditshwanelo tsa batho ba letso la Catalan ga mmogo le makgotla a boipuso ka tetla ya Nova Planta morago ga ntwa ya tatelano ya bogosi jwa batho ba letso la Spanish e eneng ya diga toropo ya Barcelona ka ngwaga wa 1714.

Ditso tse di ne tsa ama dikgaolo tsedi mabapi mme merafe ya dikgaolo tseo ya fitlhela e kopanela puo, ngwao le itsholelo e le ngwe mme e le maiteko a go tiisa le go godisa bokopano jwa bone.

Keletso ya boipuso jwa morafe wa Catalan jwa towelela le mo dingwageng tsa dikete tse pedi (20th Century) ka go simolola Catalan Mancomunitat kana khansele ya Catalan ka 1914, mme ba ne ba Kgaopediwa ke puso ya ga Primo de Rivera wa mokgokgontshi. Goromente wa Catalan o ne wa tlhamiwa ka leina la “Generalitat de Catalunya” wa bo wa fiwa tetla ya go ipusa ka 1931 ke lefatshe la Spain.

Puso e, e ne ya emisiwa gape ke puso ya kgokgontsho ya ga General Franco ka ngwaga wa 1939 go fitlhelela 1975. Puso le morafe wa Catalan bane ba le kgatlhanong le puso ya kgokgontsho. Sesupo sengwe sa ipelelo ya go lwela boipuso ke go tlhamiwa ga lekgotla la baeteledipele ka Catalonia la nakwana ka 1971 go fitlhelela tautona wa bone a boa go tswa kwa a neng a tshabetse teng ka 1977. Mo phetogong go ya mo pusong ya batho ka batho ka tsamaiso ya molao motheo wa lefatshe la Spain ngwaga wa 1978, batho ba Catalan ba ne ba letlelela paakanyo ya molao go tswa ngwaga wa 1979 mme ka 1980 ba tshwara ditlhopho tsa ntlha tsa Palamente ya Catalonia.

E rile go thatafaleng ga puso ya batho ka batho mo dingwageng tse di sa tswang go feta, bontsi jwa mekgatlho ya ba Catalan ba rotloetsa gore go nne le diphetego mo go tsa sepolotiki le melao. Ka 2005 Palamente ene ya simolola go seka-seka molao wa boipuso jwa batho ba Catalan. Dikgwetlho tse di kailweng ke makgotla a lefatshe la Spain, thata go lebeletswe katlholo ya lekgotla le legolo la melao ya 2010, ene ya supa poelo morago e tona ya kgolo ya puso ya batho ka batho ya batho ba Catalan le boipuso jwa bone mo go iponatsang no bo-gompienong re lebile tsa sepolotiki, melao itsholelo, ngwao le puo.

Setshaba sa Catalan se supile ka methale e le mentsi, keletso ya go fekeetsa dikgwetlho tsa lefatshe la Spain. Dipopelelo tse di kgolo tsa phukwi a le 10 ka 2010 tse di neng di dirisa setlhogo sa “Re Setshaba”, le ka lwetse a tlhola ga 11 ka 2012 setlhogo e le “Catalonia, lefatshe le lesha la Europa”, di ne di supa bo kgatlhanong jwa go sa amogelwa ga ditshwetso tsa setshaba sa Catalan.

Ka ngwaga wa 2012, lwetse a le 27 ka tumalano ya 742/IX, Parlamente ya Catalonia e ne ya simolola kana ya bona fa go tlhokagala gore batho ba Catalonia ba kgone go senka bokamoso jwa bone ka tshosologo ka thuso ya paakanyo melao. Se se ne sa senolwa ke maduo a ditlhopho tsa Palamente ya Catalonia tsa ngwaga wa 2012, Ngwanatsela ale 25.

Go diragatsa se, Palamente ya Catalonia ya nna le phuthego ya ntlha ya kokoano ya bo lesome ya badira melao, ka maitlamo a go tsamaisa dilo ka dikeletso tsa setshaba sa Catalonia jaaka go ne go gateletswe mo ditlhopho tsa bofelo, go tlhaloswa jaana:

Tlhomamiso ya boipuso jwa setshaba sa ba Catalan le ditswanelo tsa bone tsa go itseela ditshwetso

Palamente ya Catalonia e ne ya simolola tsela ya go anamisa ditshwanelo tsa baagedi ba Catalonia go ka kgona go itseela ditshwetso mo bokamosong jwa bone mo go tsa sepolotiki, go lebeletswe ditsetlana tse di latelang:

-Boipuso. Setshaba sa Catalan se nale boipuso mo go tsa polotiki le melao, e le tetla ya boammaruri jwa puso ya batho ka batho.

-Boammaruri jwa puso ya batho ka batho. Tsela ya go dirisa tshwanelo ya go tsaya tshwetso ka matsetseleko ka go netefatsa gore go nne le boikgethelo jo bo tlotlegang ka puisano mo morafeng wa Catalan. Maikaelelo e le gore tshwetso e e tla tsewang e nne ya bale bantsi, se e leng motheo wa tshwanelo ya go itsela ditshwetso.

-Ponatshego. Sengwe le sengwe se se botlhokwa se tla letlelelwa gore setshaba sotlhe le banni ba Catalan ba nne le kitso e e amanang le tshwanelo ya go tsaya ditshwetso le go anamisa tlhagelelo ya bone mo ditseleng tse di tla dirisiwang go netefatsa se.

-Puisano. Kgaolo ya Catalonia e tla tshwaraganela dipuisano le lefatshe la Spain, makgotla a Europa ga mmogo le a bo-ditshabatshaba.

-Tomagano ya morafe. Tomagano ya morafe wa Catalonia e tlaa netefadiwa mmogo le keletso ya go rodumisa tshaba e e kopaneng jaaka e le boitlamo jwa morafe wa Catalan.

-Bo Europa/Se-Europa. Metheo e e agileng lekgotla la Europa (EU) e tlaa somarelwa le go anamisiwa go lebilwe thata ditshwanelo tsa baagedi, puso ya batho ka batho, botsogo jwa lefatshe, bokopano le mafatshe a Europa ka itsholelo, ngwao le tsa-selegae.

-Melao. Melao yotlhe e e tshegeditsweng e tla dirisiwa go tiisa puso ya batho ka batho le go dirisa tshwanelo ya go tsaya tshwetso.

-Tiro kgolo ya Palamente. Palamente ya Catalonia jaaka e le yone e emetseng batho ba Catalonia e tshwaragane le namane ee tona mo tsamaisong e, mme ebile go tla nna maleba go tlhopha le go nankola metlhale ya tsamaiso e etla kgotsofatsang tsetla e.

-Go tsaya karolo. Palamente ya Catalonia le goromente wa “Generalitat”, di tshwanetse go tsaya karolo e tona mo go tsa selegae, mo mekgatlhong ya sepolotiki, mo go tsa itsholelo le ngwao le makgotla a e seng a puso, le go nankola ditsela tsa go netefatsa tsetla e.

Palamente ya Catalonia e rotloetsa baagedi botlhe go tsaya karolo e e maleba mo tsamaisang ya puso ya batho ka batho ya go tsaya tohwetso ga batho ba Catalan.

Ntlo ya Palamente, 23 Hirikgong 2013.

Recomanem

La premsa lliure no la paga el govern. La paguem els lectors.

Fes-te de VilaWeb, fem-nos lliures.

Fer-me'n subscriptor
des de 75€ l'any